Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

2 Re Tshwanetse go Rapela Mang?

2 Re Tshwanetse go Rapela Mang?

A MODIMO o utlwa dithapelo tsa batho botlhe go sa kgathalesege gore ba rapela mang? Gompieno batho ba le bantsi ba akanya gore go ntse jalo. Kgopolo eno e kgatlhegelwa ke batho ba le bantsi ba ba ratang gore mekgatlho ya madumedi a a farologaneng e kopanngwe e bile ba tsaya gore Modimo o amogela madumedi otlhe le fa a sa tshwane. Mme gone, a go ka direga gore kgopolo eo e bo e se boammaaruri?

Baebele e ruta gore gantsi batho ga ba rapele Modimo yo ba tshwanetseng go mo rapela. Mo motlheng wa fa Baebele e ne e kwalwa, batho ba ne ba tlwaetse go rapela ditshwantsho tse di setilweng. Le fa go ntse jalo, gangwe le gape Modimo o ne a tlhagisa batho ka mokgwa oo. Ka sekai, Pesalema 115:4-6 e bua jaana ka medingwana: “E na le ditsebe, mme ga e kgone go utlwa.” Ntlha eno e utlwala sentle. Tota ga go utlwale go rapela modimo yo o ka se kang a go utlwa.

Pego ya Baebele e e utlwalang sentle e re naya tshedimosetso e e oketsegileng malebana le ntlha eno. Moporofeti wa boammaaruri e bong Elija o ne a raya baporofeti ba ga Baale a re ba rapele modimo wa bone, mme go tswa foo le ene o ne a tla rapela wa gagwe. Elija o ne a re Modimo wa boammaaruri o ne a tla araba mme wa maaka o ne a ka se arabe. Baporofeti ba ga Baale ba ne ba dumalana mme ba rapela lobaka lo loleele e bile ba biletsa kwa godimo—mme ga ba a ka ba arabiwa! Pego eo e balega jaana: “Go ne go se na . . . ope yo o arabang, e bile go se na ope yo o reetsang.” (1 Dikgosi 18:29) Mme go ne ga direga eng fa go rapela Elija?

Fa Elija a sena go rapela, Modimo wa gagwe o ne a araba ka yone nako eo, a romela molelo go tswa kwa legodimong gore o fise tshupelo e Elija a neng a e baakantse. Pharologano e ne e le efe? Go na le selo sa botlhokwa se se ka re thusang go bona pharologano eo se se mo thapelong ya ga Elija ka boyone, e e mo go 1 Dikgosi 18:36, 37. Ke thapelo e khutshwane tota—e mo Sehebereng sa ntlhantlha e nang le mafoko a ka nna 30 fela. Le fa go ntse jalo, mo mafokong ao a le mmalwa, Elija o ne a bitsa Modimo ka leina la gagwe e bong Jehofa ka makgetlho a le mararo.

Baale, yo leina la gagwe le kayang “mong” kgotsa “morena,” e ne e le modimo wa Bakanana, mme mo mafelong a le mantsi o ne a bidiwa ka ditsela tse di farologaneng. Jehofa ke leina la Modimo le le sa tshwaneng le lepe, mme mo lobopong lotlhe ke ene fela a bidiwang ka lone. Modimo yono o ne a raya batho ba gagwe a re: “Ke nna Jehofa. Ke lone leina la me; mme ga nkitla ke naya ope o sele kgalalelo ya me.”—Isaia 42:8.

A thapelo ya ga Elija le dithapelo tsa baporofeti bao ba ga Baale di ne tsa utlwiwa? Kobamelo ya ga Baale e ne e tlontlolola batho ka go dira gore ba dire boaka e le karolo ya kobamelo ya bone ba bo ba ntshe batho ditlhabelo. Go farologana le moo, Jehofa o ne a rutile batho ba gagwe, Baiseraele, gore ba mo obamele ka tsela e e nang le seriti, ka go dira jalo a ba golola mo mekgweng eo e e tlontlololang. Ka jalo, akanya ka seno: Fa o ne o batla go romelela tsala ya gago e o e tlotlang lekwalo, a o ne o tla le romela ka leina la motho o sele yo o itsegeng ka ditiro tse di sa siamang tse di farologaneng gotlhelele le tsa tsala ya gago? Nnyaa le e seng!

Thapelo ya ga Elija le tsa baporofeti ba ga Baale di bontsha gore Modimo ga a utlwe dithapelo tsotlhe

Fa o rapela Jehofa, o rapela Mmopi, Rre wa batho botlhe. * Moporofeti Isaia o ne a rapela jaana: “Wena Jehofa, o Rraarona.” (Isaia 63:16) Ka jalo, yono ke ene yo Jesu Keresete a neng a bolelela balatedi ba gagwe ka ene fa a ne a re: “Ke tlhatlogela kwa go Rre le Rraalona le kwa Modimong wa me le Modimo wa lona.” (Johane 20:17) Jehofa ke Rraagwe Jesu. Ke Modimo yo Jesu a neng a mo rapela le yo a neng a ruta balatedi ba gagwe gore ba mo rapele.—Mathaio 6:9.

A Baebele ya re re rapele Jesu, Marea, baitshepi kgotsa baengele? Nnyaa, ya re re rapele Jehofa fela. Ela tlhoko mabaka a le mabedi. Sa ntlha, thapelo ke karolo ya kobamelo mme Baebele ya re Jehofa ke ene fela yo o tshwanetseng go obamelwa. (Ekesodo 20:5) Sa bobedi, Baebele ya re ke “Moutlwi wa thapelo.” (Pesalema 65:2) Le fa Jehofa a aba maikarabelo a mangwe a mantsi, boikarabelo jwa go utlwa dithapelo jone ga a ise a ke a bo neye ope. Ke Modimo yo o solofetsang gore o tla utlwa dithapelo tsa rona ka boene.

Ka jalo fa o batla gore Modimo a utlwe dithapelo tsa gago, gakologelwa kgakololo eno ya Dikwalo: “Mongwe le mongwe yo o bitsang leina la ga Jehofa o tla bolokwa.” (Ditiro 2:21) Mme gone, a Jehofa o utlwa dithapelo tsotlhe go sa kgathalesege gore motho o rapela jang? Kgotsa a go na le selo se sengwe se re tshwanetseng go se itse fa re batla gore Jehofa a utlwe dithapelo tsa rona?

^ ser. 9 Dingwao dingwe tsa bodumedi tsa re go phoso go bitsa leina la Modimo, Jehofa, tota le fa motho a rapela. Le fa go ntse jalo, leina leo le tlhaga ka makgetlho a ka nna 7 000 mo dipuong tsa ntlhantlha tsa Baebele, mme gantsi e le mo dithapelong le mo dipesalemeng tsa batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa.