Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Moutlwi wa Thapelo”

“Moutlwi wa Thapelo”

Atamalana le Modimo

“Moutlwi wa Thapelo”

1 DITIRAGALO 4:9, 10

A RURI Jehofa Modimo o araba dithapelo tse baobamedi ba ba ineetseng ba di rapelang ka bopeloephepa? Pego e e mo Baebeleng ya monna mongwe yo go sa itsiweng go le kalo ka ene e bong Jabese e bontsha gore tota Jehofa ke “Moutlwi wa thapelo.” (Pesalema 65:2) Pego eno e khutshwane e fitlhelwa kwa gongwe o neng o ka se solofele go e fitlhela teng—mo manaaneng a tatelano ya masika a a mo tshimologong ya buka ya Ditiragalo wa Ntlha. A re sekasekeng 1 Ditiragalo 4:9, 10.

Dilo tsotlhe tse re di itseng ka ga Jabese di mo ditemaneng tseno tse pedi. Go ya ka temana 9, mmaagwe o ne “a mo raya leina a re Jabese, a re: ‘Ke mmelege ka ditlhabi.’” * Ke ka ntlha yang fa a ne a tlhopha leina le le ntseng jalo? A o ne a belege morwawe ka ditlhabi tse di fetang tse di tlwaelegileng? A gongwe e ne e le motlholagadi, a utlwisiwa botlhoko ke gore monna wa gagwe o ne a seyo fa ngwana a tsholwa? Baebele ga e tlhalose. Mme nako nngwe go ne go tla nna le sengwe se se neng se tla dira gore mmè yono a nne motlotlo ka morwawe. Bomorwarraagwe Jabese e ka tswa e ne e le batho ba ba siameng, mme “Jabese [o ne] a tlotlega thata go gaisa bomorwarraagwe.”

Jabese o ne a rata go rapela. O ne a simolola thapelo ya gagwe ka go kopa gore Modimo a mo segofatse. Go tswa foo o ne a kopa dilo tse tharo tse di bontshang gore o ne a na le tumelo e e nonofileng.

Sa ntlha, Jabese o ne a rapela Modimo a re: “Oketsa karolo ya me ya naga.” (Temana 10) Monna yono yo o tlotlegang o ne a sa batle naga e nngwe ka bogagapa, a eletsa naga ya mong ka ene. Kopo ya gagwe e a e dirileng ka tlhoafalo e ka tswa e ne e amana le batho go na le naga ka boyone. O ka tswa a ne a kopa gore naga ya gagwe e okediwe mme seo se dirwe ka kagiso gore baobamedi ba ba oketsegileng ba Modimo wa boammaaruri ba nne mo go yone. *

Sa bobedi, Jabese o ne a rapelela gore “seatla” sa Modimo se nne le ene. Seatla sa Modimo sa tshwantshetso ke maatla a gagwe a a a dirisang go thusa baobamedi ba gagwe. (1 Ditiragalo 29:12) E le gore Jabese a bone se a se eletsang, o ne a ya kwa Modimong yo seatla sa gagwe se seng sekhutshwane mo bathong ba ba bontshang tumelo mo go ene.—Isaia 59:1.

Sa boraro, Jabese o ne a rapela jaana: “Mpoloka mo masetlapelong, gore a se ka a nkutlwisa botlhoko.” Mafoko a a reng “gore a se ka a nkutlwisa botlhoko” a ka tswa a kaya gore Jabese o ne a sa rapelele gore a tswe mo masetlapelong mme o ne a rapelela gore a thusiwe gore a se ka a hutsafadiwa kgotsa a fekeediwa ke ditlamorago tsa bosula.

Thapelo ya ga Jabese e ne e bontsha gore o amega ka kobamelo ya boammaaruri le gore o ikanya Moutlwi wa thapelo e bile o na le tumelo mo go ene. Jehofa o ne a araba thapelo eo jang? Pego eno e khutshwane e konela ka mafoko ano: “Ka jalo Modimo a diragatsa se a neng a se kopile.”

Moutlwi wa thapelo ga a fetoga. O itumelela dithapelo tsa baobamedi ba gagwe. Batho ba ba mo ikanyang e bile ba na le tumelo mo go ene ba ka nna le tshepo eno: “Go sa kgathalesege gore ke eng se re se kopang kafa thatong ya gagwe, o a re utlwa.”—1 Johane 5:14.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 2 Leina Jabese le tswa mo lefokong le le ka kayang “botlhoko.”

^ ser. 4 Buka ya Bajuda e e tlhalosang Dikwalo tse di Boitshepo ka mafoko a mangwe e e bidiwang Targums, e baya mafoko a ga Jabese jaana: “Ntshegofatsa ka bana, mme o atolose melelwane ya me ka barutwa.”