A Ruri mo Metlheng ya Ditiragalo Tsa Baebele Batho Ba ne Ba Tshela Lobaka lo Loleele Jaana?
A Ruri mo Metlheng ya Ditiragalo Tsa Baebele Batho Ba ne Ba Tshela Lobaka lo Loleele Jaana?
JEANNE LOUISE CALMENT o tlhokafaletse kwa motseng wa gabone o o kwa borwabotlhaba jwa Fora ka August 4, 1997. O ne a na le dingwaga di le 122!
Gompieno go gatela pele mo go tsa saense, tsa kalafi le mo dilong tse dingwe go thusa batho gore ba tshele lobaka lo loleele. Le fa go ntse jalo, ga se batho ba le bantsi ba ba tshelang dingwaga di le 100 kgotsa go feta. Gongwe ke lone lebaka la go bo ka dinako tse dingwe go begiwa mo dikgannyeng ka batho ba ba tshelang lobaka lo loleele, jaaka go dirilwe ka Mmè Calment.
Baebele ya re mo metlheng ya bogologolo batho ba ne ba tshela lobaka lo loleele thata, ba bangwe ba tshela mo e batlang e nna dingwaga di le sekete. A seo se boammaaruri e bile re ka se dumela? A mo motlheng wa ditiragalo tsa Baebele batho ba ne ba tshela lobaka lo loleele jalo? A mme seno se a re ama gompieno?
Batho ba ba Neng ba Tshela Lobaka lo Loleele Thata
Buka ya Baebele ya Genesise e bua ka banna ba le supa ba ba neng ba tshela dingwaga di feta 900, mme botlhe ba tshotswe pele ga Morwalela wa motlha wa ga Noa. E ne e le Adame, Sethe, Enoshe, Kenane, Jarede, Methusela le Noa. (Genesise 5:5-27; 9:29) Batho ba le bantsi ba ka tswa ba sa itse ka bangwe ba banna bano mme botlhe ba ne ba tshela mo dikokomaneng tsa ntlha di le lesome tsa batho fa e sa le motho wa ntlha a bopiwa. Methusela o itsege thata ka gore o ile a tshela lobaka lo loleele go feta batho botlhe—dingwaga di le 969!
Baebele e umaka batho ba bangwe ba ka nna 25 ba le bone ba tshedileng lobaka lo loleele go feta lo batho ba lo tshelang gompieno. Bangwe ba bone ba ne ba tshela dingwaga di le 300, 400, tota le 700 kgotsa go feta. (Genesise 5:28-31; 11:10-25) Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba tsaya gore dipego tse di mo Baebeleng tsa batho ba ba tshedileng lobaka lo loleele jalo ke ditlhamane fela. A mme go ntse jalo?
A ke Tlhamane Kgotsa ke Pego e e Ikanyegang?
Go ya ka setlhogo sengwe se se gatisitsweng ke Max Planck Institute for Demographic Research kwa Jeremane, babatlisisi ba ne ba tlhomamisa dingwaga tsa ga Mmè Calment, yo o umakilweng pelenyana, ka go kopanya dingwe tsa ‘dilo tse a neng a di bua tse go nang le bosupi jwa tsone.’ Dilo tseo di ne di le malebana le ene kgotsa ba losika lwa gagwe ka nako ya fa go ne go diragala ditiragalo dingwe. Go tswa foo, se a neng a se bua se ne se bapisiwa le direkoto tsa setšhaba, tsa semolao le tsa kereke, mmogo le ditlhogo tsa makwalodikgang le direkoto tsa go bala batho. Se se kgatlhang ke gore le fa go ne go sa kgonege go tlhomamisa sengwe le sengwe, bosupi jo bo malebana le ene ka tlhamalalo le jo go dirilweng dipatlisiso ka jone, bo ne bo thusa go tlhomamisa dingwaga tse a di tshetseng.
Go tweng ka dipego tse di mo Baebeleng? A di ka ikanngwa? Ee ruri! Le fa metswedi e e leng teng ya tshedimosetso e sa thusa go tlhomamisa dintlha tsotlhe, gangwe le gape bosupi bo bontshitse gore se se bolelwang mo Baebeleng se a ikanyega go ya ka hisitori, saense le tatelano ya ditiragalo. * Seno ga se a tshwanela go re gakgamatsa ka gonne Baebele ka boyone ya re: “Modimo o bua boammaaruri, le fa batho ba bangwe botlhe e le baaki.” (Baroma 3:4, Contemporary English Version) Ee, e re ka Baebele e le buka e e ‘tlhotlheleditsweng ke Modimo,’ ga e na ditlhamane.—2 Timotheo 3:16.
Moshe, yo o neng a kaelwa ke Jehofa Modimo gore a kwale dibuka tsa ntlha tse tlhano tsa Baebele, o tshwanetse go tsewa e le mongwe wa batho ba ba nang le tlhotlheletso e kgolo le ba ba tlotlegang thata mo hisitoring. Bajuda ba mo leba e le morutisi yo mogolo go gaisa barutisi ba bangwe botlhe ba bone. Bamoseleme ba mo tsaya e le mongwe wa baporofeti ba bone ba bagolo. Bakeresete bone ba leba Moshe e le moporofeti yo o neng a tla pele ga ga Jesu Keresete. A go tla bo go utlwala go dira tshwetso ya gore mekwalo ya motho yo o botlhokwa jalo e ka se ikanngwe?
A Dingwaga Di ne Di Balwa ka Tsela e e Farologaneng le ya Rona?
Bangwe ba re mo metlheng eo dingwaga di ne di balwa ka tsela e e farologaneng le ya rona le gore se ba neng ba re ke ngwaga, tota e ne e le kgwedi. Le fa go ntse jalo, fa go sekasekwa pego ya Genesise go fitlhelwa gore, kwantle ga pelaelo mo metlheng eo batho ba ne ba bala dingwaga jaaka re di bala gompieno. Akanya ka dikai tseno tse pedi. Pego ya Morwalela e bolela gore Morwalela o ne wa simolola fa Noa a na le dingwaga di le 600, “mo kgweding ya bobedi, mo letsatsing la bolesome le bosupa la kgwedi.” Go tswa foo, e bolela gore metsi a ile a khurumetsa lefatshe ka malatsi a le 150 le gore “mo kgweding ya bosupa, mo letsatsing la bolesome le bosupa la kgwedi, araka e ne ya nna mo dithabeng tsa Ararata.” (Genesise 7:11, 24; 8:4) Ka jalo, lobaka lwa dikgwedi di le tlhano—go simolola ka letsatsi la bo17 la kgwedi ya bobedi go fitlha ka letsatsi la bo17 la kgwedi ya bosupa mo ngwageng oo—lo tsewa e le malatsi a le 150. Go bonala sentle gore kgang ya gore ngwaga e ne e le kgwedi tota ga e na mabaka a a utlwalang.
Jaanong akanya ka sekai sa bobedi. Go ya ka Genesise 5:15-18, Mahalalele o ne a nna le ngwana wa mosimane a na le dingwaga di le 65, mme o ne a tshela dingwaga tse dingwe di le 830 a bo a tlhokafala a na le dingwaga di le 895. Setlogolo sa gagwe e bong Enoke le ene o ne a nna le ngwana wa mosimane fa a ne a na le dingwaga di le 65. (Genesise 5:21) Fa e le gore tota ngwaga e ne e le kgwedi, go raya gore banna bao ba babedi ba ne ba nna le bana fa ba na le dingwaga di le tlhano fela! A seo se a utlwala?
Thutamarope le yone e naya bosupi ka gonne e dumalana le dipego tsa Baebele tsa batho ba ba ileng ba tshela lobaka lo loleele. Fa Baebele e bua ka tlhogo ya lotso e bong Aborahame, ya re o ne a tswa kwa motseng wa Ure, moragonyana a nna kwa motseng wa Harana, go tswa foo a ya go nna mo kgaolong ya Kanana, mme o ne a tlhabana le kgosi ya kwa Elama e bong Kedorelaomere a bo a mo fenya. (Genesise 11:31; 12:5; 14:13-17) Dilo tse di ribolotsweng di tlhomamisitse gore mafelo ano le batho bano ba kile ba nna teng. Gape thutamarope e re thusitse go tlhaloganya dingwao tsa batho ba motlha wa ga Aborahame le tsela e dinaga tsa bone di neng di lebega ka yone. E re ka dipego tseno tsa Baebele tse di buang ka ga Aborahame di le boammaaruri, a go tla bo go utlwala gore batho ba belaele dingwaga tsa gagwe tse 175?—Genesise 25:7.
Ka jalo, ga go na lebaka la go belaela dipego tse di mo Baebeleng tsa batho bangwe ba bogologolo ba
ba ileng ba tshela lobaka lo loleele ka tsela e e sa tlwaelegang. Mme o ka nna wa ipotsa jaana, ‘Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore ke itse gore a batho bao ba ne ba tshela lobaka lo loleele jalo kgotsa nnyaa?’O ka Kgona go Tshela Lobaka lo Loleele go Feta Kafa o ka Akanyang ka Gone!
Lobaka lo loleele lo banna bao ba ba neng ba tshela pele ga Morwalela ba neng ba lo tshela, lo bontsha gore mmele wa motho o ka kgona go tshela lobaka lo loleele. Botegeniki jwa gompieno bo thusitse baitsesaense gore ba kgone go sekaseka mmele wa motho le tsela e e botswerere e o dirilweng ka yone mmogo le bokgoni jwa one jo bo gakgamatsang jwa go intšhafatsa le go iphodisa. Ba fitlheletse tshwetso efe? Gore mmele wa motho o ka kgona go tshelela ruri. Porofesa ya tsa Kalafi e bong Tom Kirkwood a re: “[Botsofe] e sa ntse e le sengwe sa dilo tsa masaitseweng mo saenseng ya tsa kalafi.”
Le fa go ntse jalo, Jehofa Modimo ga a tseye botsofe e le masaitseweng kgotsa bothata jo bo ka se rarabololweng. O ne a bopa motho wa ntlha e bong Adame a itekanetse, mme o ne a ikaeletse gore batho ba tshelele ruri. Ka maswabi, Adame o ne a tsuologela Modimo. Seo se ne sa felela ka gore a leofe mme e nne motho yo o sa itekanelang. Jaanong eno ke tlhaloso e baitsesaense ba ntseng ba e batla: “Boleo bo ne jwa tsena mo lefatsheng ka motho a le mongwe le loso ka boleo, loso lo ne lwa anamela kwa bathong botlhe ka gonne ba leofile botlhe.” (Baroma 5:12) Re a lwala, re a tsofala e bile re a swa ka ntlha ya boleo le bosaitekanelang.
Le fa go ntse jalo, boikaelelo jwa Mmopi wa rona yo o lorato ga bo a fetoga. Bosupi jo bogolo jwa seo ke gore o ntshitse setlhabelo sa thekololo sa ga Morwawe e bong Jesu Keresete, se se tla dirang gore batho ba kgone go itekanela le go tshelela ruri. Baebele ya re: “Fela jaaka mo go Adame botlhe ba swa, jalo le mo go Keresete botlhe ba tla tshedisiwa.” (1 Bakorintha 15:22) Batho ba ba neng ba tshela pele ga Morwalela ba tshedile moragonyana fela ga nako ya fa batho ba ne ba itekanetse mo lefatsheng, ke gone ka moo ba neng ba tshela lobaka lo loleele—lo loleele thata—go feta lo re lo tshelang gompieno. Mme gompieno re setse re le gaufi le nako ya fa Modimo a tla bo a diragatsa tsholofetso ya gagwe. Go ise go ye kae, boleo le bosaitekanelang di tla bo di fedile gotlhelele, mme batho ga ba kitla ba koafala le go swa.—Isaia 33:24; Tito 1:2.
O ka bona masego ao jang? O se ka wa akanya gore se Modimo a se solofeditseng ke toro fela. Jesu o ne a re: “Yo o utlwang lefoko la me mme a dumela yo o nthomileng o na le botshelo jo bo sa khutleng.” (Johane 5:24) Ka jalo, ithute Baebele mme o dirise se o se ithutang. Fa o dira jalo o tla bo o latela sekao sa batho ba moaposetoloi Paulo a neng a re “ba ipolokela motheo o o molemo wa isagwe ka pabalesego, gore ba tshware botshelo jwa mmatota ka thata.” (1 Timotheo 6:19) O ka tlhomamisega gore Modimo yo o dirileng gore batho ba ba umakilweng mo Baebeleng ba kgone go tshela lobaka lo loleele jaana a ka dira gore le wena o tshelele ruri!
[Ntlha e e kwa tlase]
^ ser. 10 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bona buka ya Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.
[Kerafa mo go tsebe 12]
(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)
1000*
969* METHUSELA
950* NOA
930* ADAME
900*
800*
700*
600*
500*
400*
300*
200*
100* MOTHO GOMPIENO
*DINGWAGA TSE BA DI TSHEDILENG