Go na Le Batho ba ba Nnang Kwa Lefelong la Moya—Mme ke Bomang?
Go na Le Batho ba ba Nnang Kwa Lefelong la Moya—Mme ke Bomang?
Kwa Yuropa, mmè mongwe yo o godileng o tsena mo kerekeng a tshwere rosari ka seatla a bo a khubama ka tlotlo fa pele ga setshwantsho sa ga Marea. Mo Afrika, lelapa lengwe le tshela bojalwa fa lebitleng la mongwe wa losika yo ba mo tlotlang thata. Kwa nageng nngwe kwa Amerika, lekawana lengwe le itima dijo e bile le a tlhatlhanya, ka tsholofelo ya gore le tla kgona go buisana le mongwe yo le dumelang gore ke moengele yo o le sireletsang. Kwa Asia, moruti mongwe o fisa dilo tse di dirilweng ka dipampiri tse di mebalabala a ntshetsa meya ya bagologolwane ba gagwe tshupelo.
KE ENG se batho bano ba tshwanang ka sone? Botlhe ba dumela gore go na le dibopiwa tse di botlhale tse di nnang kwa lefelong la moya tse batho ba ka buisanang le tsone e bile di kgona go tlhotlheletsa matshelo a batho. Gone ke boammaaruri gore tumelo eno ga e ntšha e bile ga e gakgamatse. Se se gakgamatsang ke gore go na le dikgopolo di le dintsi tse di ganetsanang malebana le gore ke bomang ba ba nnang kwa lefelong la moya.
Bamoseleme ba obamela Modimo a le mongwe—Allah. * Batho ba ba mo dikerekeng tse di ipitsang tsa Bokeresete ba re Modimo ke medimo e le meraro mo go a le mongwe, ke gore Modimo Rara, Modimo Morwa le Modimo Moya o o Boitshepo. Bahindu ba dumela gore go na le medimo le medimo ya sesadi e feta sekete. Batho ba bangwe ba re go na le ditshedi dingwe tsa moya tse di nnang mo diphologolong le mo ditlhareng dingwe, mo mafikeng le mo melatswaneng mengwe. Mme ba bangwe bone ba tlhotlhelediwa ke dibuka, difilimi le mananeo a thelebishene a a buang ka baengele le madimona, dipoko le dithokolosi, medimo le medimo ya sesadi.
Fela jaaka go na le dikgopolo tse dintsi tse di ganetsanang ka ga medimo, gape go na le dikgopolo tse dintsi tse di ganetsanang malebana le gore go ka buisanwa jang le yone. Go a utlwala go dumela gore ga se ditsela tsotlhe tsa go buisana le yone tse di siameng. Akanya ka seno: Pele re founela mongwe, re tshwanetse go itse gore re founela mang e bile re tshwanetse go tlhomamisega gore o a tshela mme o tla araba. Go tla bo go se na mosola go leka go bua le motho yo re mo ikakanyetsang fela. Mme go ka nna kotsi go buisana le motho yo o itirang e kete ke motho yo wena o batlang go bua le ene.
Ka jalo, ke bomang ba tota ba nnang kwa lefelong la moya? Baebele ga e arabe potso eno fela mme gape e re tlhalosetsa gore re ka buisana le mang koo le gore re ka solofela gore a arabe jang. Nna o bale. O ka nna wa gakgamadiwa ke se Baebele e se senolang ka kgang eno.
[Ntlha e e kwa tlase]
^ ser. 4 Lefoko “Allah” ga se leina mme le kaya “Modimo.”