Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke ka Ntlha Yang fa re Tshwanetse go Ithuta mo Modimong?

Ke ka Ntlha Yang fa re Tshwanetse go Ithuta mo Modimong?

Ithute mo Lefokong la Modimo

Ke ka Ntlha Yang fa re Tshwanetse go Ithuta mo Modimong?

Setlhogo seno se botsa dipotso tse o ka tswang o kile wa di ipotsa se bo se bontsha gore o ka bona dikarabo tsa tsone kae mo Baebeleng ya gago. Basupi ba ga Jehofa ba ka itumelela go tlotla ka dikarabo tseno le wena.

1. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go ithuta mo Modimong?

Modimo o tshwaretse batho dikgang tse di molemo tsa sengwe se se botoka. O re bolelela ka tsone mo Baebeleng. Baebele e ntse jaaka lekwalo le re le kwaletsweng ke Rraarona yo o lorato yo o kwa legodimong.—Bala Jeremia 29:11.

2. Dikgang tse di molemo ke eng?

Batho ba tlhoka puso e e molemo. Ga go na mmusi ope wa motho yo o kileng a namola batho mo thubakanyong, mo ditirong tsa go tlhoka tshiamiso, mo bolwetseng kgotsa mo losong. Mme go na le dikgang tse di molemo. Modimo o tla naya batho puso e e molemo e e tla ba gololang mo dilong tsotlhe tse di bakang pogo.—Bala Daniele 2:44.

3. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go ithuta mo Modimong?

Go ise go ye kae, Modimo o tla fedisa batho ba ba bakang pogo mo lefatsheng. Mme pele a dira jalo, o ruta dimilione tsa batho ba ba pelonolo gore ba itumelele go tshela botshelo jo bo botoka le go bontsha gore ba rata Modimo le moagelani. Batho ba ithuta mo Lefokong la Modimo gore ba ka itshokela mathata a botshelo jang, ba ka bona boitumelo jwa mmatota jang le gore ba ka itumedisa Modimo jang.—Bala Sefania 2:3.

4. Mokwadi wa Baebele ke mang?

Baebele e dirilwe ka dibuka tse dinnye di le 66. Di kwadilwe ke banna ba le 40. Tsa ntlha tse tlhano di kwadilwe ke Moshe dingwaga di ka nna 3 500 tse di fetileng. Ya bofelo e kwadilwe ke moaposetoloi Johane dingwaga di feta 1 900 tse di fetileng. Mme bakwadi ba Baebele ba ne ba kwala dikakanyo tsa Modimo e seng tsa bone. Ka jalo Modimo ke ene Mokwadi wa Baebele.—Bala 2 Timotheo 3:16; 2 Petere 1:21.

Re itse gore Baebele e tswa kwa Modimong ka gonne e bua boammaaruri fa e bolelela pele dintlha ka botlalo ka se se tla diregang mo isagweng. Ga go motho ope yo o ka kgonang go dira jalo. (Isaia 46:9, 10) Gape Baebele e re senolela dinonofo tsa Modimo. E kgona go tokafatsa matshelo a batho. Dintlha tseno di dira gore dimilione tsa batho di tlhatswege pelo gore Baebele ke Lefoko la Modimo.—Bala Joshua 23:14; 1 Bathesalonika 2:13.

5. O ka tlhaloganya Baebele jang?

Jesu o ne a itsege e le morutisi wa Lefoko la Modimo. Le fa bontsi jwa batho ba a neng a bua le bone ba ne ba tlwaelane le Dikwalo, ba ne ba tlhoka go thusiwa go di tlhaloganya. Jesu o ne a ba thusa ka go umaka mafoko a a mo Dikwalong ka go latelana a bo a tlhalosa “se se kaiwang ke Dikwalo.” Karolo eno ya “Ithute mo Lefokong la Modimo,” e tla dirisa one mokgwa oo go go thusa.—Bala Luke 24:27, 45.

Ga go na dilo tse dintsi tse di itumedisang jaaka go ithuta mo Modimong ka boikaelelo jwa botshelo. Mme batho bangwe ba ka nna ba se ka ba itumelela go go bona o bala Baebele. O se ka wa kgobega marapo. O ka bona botshelo jo bo sa khutleng mo isagweng fa o ithuta ka Modimo.—Bala Mathaio 5:10-12; Johane 17:3.

Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng, bona kgaolo 2 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.