Tharabololo ya Mathata a a Tlwaelegileng
Tharabololo ya Mathata a a Tlwaelegileng
BAEBELE ga e ise e ko e re lenyalo ga le na mathata. Modimo o ne a tlhotlheletsa moaposetoloi Paulo go kwala gore banyalani ba ne ba tla lebana le “mathata a letsatsi le letsatsi.” (1 Bakorintha 7:28, Today’s English Version) Mme banyalani ba ka dira go le gontsi go fokotsa mathata a ba nnang le one le go oketsa boitumelo jwa bone. Akanya ka mathata a a latelang a a tlwaelegileng a le marataro a banna le basadi ba tleng ba ngongorege ka one, mme o bone kafa go dirisa melaometheo ya Baebele go ka thusang ka gone.
1
BOTHATA:
“Nna le molekane wa me ga re tlhole re atamalane jaaka pele.”
MOLAOMOTHEO WA BAEBELE:
“Lo tlhomamise dilo tse di botlhokwa thata.”—BAFILIPI 1:10.
Lenyalo la gago ke sengwe sa dilo tse o tshwanetseng go di tsaya di le botlhokwa thata mo botshelong. Ka jalo, leka go bona gore a dithulaganyo tsa gago ga se tsone di bakang bothata jono. O se ka wa letla ditiro tsa letsatsi le letsatsi di dira gore o katologane le molekane wa gago. Gone ke boammaaruri gore tiro ya boitshediso le maemo mangwe a lo ka se kang lwa a tila, a ka dira gore lo se nne mmogo ka nakwana. Mme o ka kgona e bile o tshwanetse go lekanyetsa sepe fela se o ka se laolang—jaaka nako e o e fetsang o dira dilo tse
o ratang go itlosa bodutu ka tsone kgotsa o na le ditsala.Le fa go ntse jalo, balekane ba bangwe ba lenyalo ba ka fetsa nako e ntsi kwa tirong kgotsa ba itlosa bodutu e le fela gore ba se ka ba nna le balekane ba bone. Batho bano ga ba katologane fela le balekane ba bone ba sa lemoge. Ba tila go rarabolola mathata. Fa e le gore wena kgotsa molekane wa gago lo dira jalo, lo tshwanetse go leka go bona gore seo se bakwa ke eng mme lo rarabolole bothata joo. Fa o ipha nako ya go nna le molekane wa gago ke gone fela lo ka atamalanang mme lwa “nna nama e le nngwe” tota.—Genesise 2:24.
Kafa bangwe ba ileng ba dirisa kgakololo eno ka teng: Andrew * le Tanji, banyalani ba kwa Australia ba na le dingwaga di le lesome ba nyalane. Andrew a re: “Ke lemogile gore go fetsa nako e ntsi thata kwa tirong le mo boitlosobodutung go ka nna kotsi mo lenyalong. Ka jalo, nna le mosadi wa me re ipha nako ya go tlotla le go bulelana mafatlha.”
Dave le Jane ba ba nnang kwa United States ba na le dingwaga di le 22 ba nyalane, mme ba dirisa metsotso e le 30 maitseboa mangwe le mangwe go tlotla ka dilo tse di tlhotseng di ba diragaletse. Jane a re: “Nako eno e botlhokwa thata mo re sa letleng sepe go e kgoreletsa.”
2
BOTHATA:
“Ga ke tlhole ke bona se ke neng ke se batla mo lenyalong leno.”
MOLAOMOTHEO WA BAEBELE:
“A mongwe le mongwe a nne a batle, e seng molemo wa gagwe, fa e se wa motho yo mongwe.”—1 BAKORINTHA 10:24.
Motho yo o amegileng fela ka se se solegelang ene molemo mo lenyalong, tota le fa a ka nyala kgotsa a nyalwa gape gantsintsi, ga a ka ke a bona boitumelo jwa mmatota. Lenyalo le atlega fa molekane mongwe le mongwe a tlhoma mogopolo thata mo go abeng go na le mo go amogeleng. Jesu o ne a tlhalosa lebaka la seo jaana: “Go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.”—Ditiro 20:35.
Kafa bangwe ba ileng ba dirisa kgakololo eno ka teng: Maria le Martin ba ba nnang kwa Mexico,
ba na le dingwaga di le 39 ba nyalane. Le fa go ntse jalo, ba ne ba tle ba nne le mathata. Ba gopola bothata bongwe jo ba kileng ba nna le jone. Maria a re: “Nako nngwe fa re ntse re omana, ke ne ka raya Martin mafoko mangwe a a sa bontsheng tlotlo gotlhelele. O ne a galefa thata. Ke ne ka leka go mo tlhalosetsa gore ke ne ke sa ikaelela go bua mafoko ao, ke fela gore ke ne ke tenegile. Mme ga a ka a ntheetsa.” Martin a re: “Fa re ntse re omana, ke ne ka simolola go akanya gore ga re ka ke ra tswelela re nna mmogo, gore ke tshwanetse go tlogela go leka go dira gore lenyalo la rona le atlege.”Martin o ne a batla go tlotliwa. Maria o ne a batla go tlhaloganngwa. Boobabedi ga ba a ka ba bona se ba neng ba se batla.
Ba ne ba rarabolola bothata jono jang? Martin a re: “Ke ne ka ipha nako ya gore ke wele makgwafo mme nna le Maria re ne ra swetsa ka gore re dirise kgakololo e e molemo ya Baebele ya gore re bontshane tlotlo le bopelonomi. Mo dingwageng tse di ntseng di feta, re ithutile gore le fa mathata a ka nna mantsi jang re ka a rarabolola ka go rapela Modimo gore a re thuse re bo re dirisa kgakololo e e mo Baebeleng.”—Isaia 48:17, 18; Baefeso 4:31, 32.
3
BOTHATA:
“Molekane wa me ga a dire se a tshwanetseng go se dira gore lenyalo le atlege.”
MOLAOMOTHEO WA BAEBELE:
“Mongwe le mongwe wa rona o tla ikarabelela mo Modimong.”—BAROMA 14:12.
Kwantle ga pelaelo, lenyalo le ka se atlege fa molekane a le mongwe e le ene fela a lekang gore le atlege. Mme boemo bo ka nna maswe le go feta fa banyalani ka bobedi ba sa kgathalele go baakanya dilo e bile ba supana ka menwana.
Fa o ka nnela go akanya ka se molekane wa gago a tshwanetseng a ka bo a se dira, o tla tshelela mo khutsafalong. Go tla nna jalo segolobogolo fa o dirisa makoa a molekane wa gago e le seipato sa gore o se ka wa dira maikarabelo a gago. Mme gone fa o leka go nna monna yo o molemo kgotsa mosadi yo o molemo, seemo sa lenyalo la gago se ka tokafala. (1 Petere 3:1-3) Sa botlhokwa le go feta, o tla bo o bontsha Modimo gore o tlotla thulaganyo ya gagwe ya lenyalo mme se o se dirang se tla mo itumedisa thata.—1 Petere 2:19.
Kafa bangwe ba ileng ba dirisa kgakololo eno ka teng: Kim le monna wa gagwe, ba ba nnang kwa Korea, ba na le dingwaga di le 38 ba nyalane. Kim a re: “Ka dinako tse dingwe monna wa me o mphelela pelo a bo a sa mpuise mme ke sa itse lebaka. Seo se dira gore ke akanye gore ga a tlhole a nthata. Ka dinako tse dingwe ke ipotsa gore, ‘Ke ka ntlha yang fa a batla gore ke tlhaloganye kafa a ikutlwang ka teng mme ene a sa leke go tlhaloganya kafa nna ke ikutlwang ka teng?’”
Kim o ne a ka nnela go akanya kafa monna wa gagwe a sa mo tshwareng sentle ka teng le ka se a sa se direng. Mme ga a ka a dira jalo. Kim a re: “Mo boemong jwa go nna ke kgopisegile, ke ile ka bona gore go botoka gore ke tseye kgato go leka go dira kagiso. Kwa bofelong, roobabedi re kgona go rarabolola mathata ka kagiso re digile makgwafo.”—Jakobe 3:18.
4
BOTHATA:
“Mosadi wa me ga a inkobele.”
MOLAOMOTHEO WA BAEBELE:
“Tlhogo ya monna mongwe le mongwe ke Keresete.”—1 BAKORINTHA 11:3.
Monna yo o akanyang gore mosadi wa gagwe ga a mo ikobele o tshwanetse go ipotsa pele gore a ene o iketleeleditse go ikobela Tlhogo ya gagwe e bong Jesu Keresete. Monna a ka bontsha gore o a ikoba ka go etsa sekao sa ga Jesu.
Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Banna, tswelelang lo rate basadi ba lona, fela jaaka Keresete le ene a ne a rata phuthego a ba a ineela ka ntlha ya yone.” (Baefeso 5:25) Jesu ga a ka a “rena” mo barutweng ba gagwe. (Mareko 10:42-44) O ne a naya balatedi ba gagwe kaelo e e utlwalang sentle a bo a ba gakolola fa go tlhokega. Mme ga a ise a ko a ba galefele. O ne a le pelonomi mo go bone mme o ne a sa lebelela gore ba dire dilo tse ba neng ba ka se kgone go di dira. (Mathaio 11:29, 30; Mareko 6:30, 31; 14:37, 38) Ka metlha o ne a sa akanyetse ene fela mme o ne a dira gore dilo tse ba di tlhokang di tle pele.—Mathaio 20:25-28.
Monna o tshwanetse go ipotsa jaana, ‘A tsela e ke lebang botlhogo ka yone le e ke lebang basadi ka yone e tlhotlhelediwa ke mekgwa ya mo lefelong le ke nnang mo go lone, go na le go tlhotlhelediwa ke kgakololo le dikao tse di fitlhelwang mo Baebeleng?’ Ka sekai, o akanyang ka mosadi yo o sa dumalaneng le monna wa gagwe ka sengwe, a bo a tlhalosa maikutlo a gagwe a tiisitse mme a dira jalo ka tlotlo? Mo Baebeleng, mosadi wa ga Aborahame e bong Sara o tsewa e le sekao sa mosadi yo o ikobang. (1 Petere 3:1, 6) Le fa go ntse jalo, o ne a ntsha maikutlo a gagwe fa go tlhokega, jaaka fa Aborahame a ne a sa lemoge maemo mangwe a a neng a ka nna kotsi mo lelapeng la bone.—Genesise 16:5; 21:9-12.
Kwantle ga pelaelo, Aborahame o ne a sa gatelele Sara gore a bo a tshabe go ntsha maikutlo a gagwe. E ne e se mogateledi. Ka tsela e e tshwanang, monna yo o latelang kgakololo ya Baebele a ka se gatelele mosadi wa gagwe, a mo pateletsa gore a dumalane le sengwe le sengwe se a se buang. Mosadi wa gagwe o tla mo tlotla ka gonne a dirisa botlhogo jwa gagwe ka bopelotlhomogi.
Kafa bangwe ba ileng ba dirisa kgakololo eno ka teng: James, yo o nnang kwa Engelane e bile a na le dingwaga di le robedi a nyetse, a re: “Ke leka ka natla gore ke se ka ka dira ditshwetso tsa botlhokwa pele ke buisana le mosadi wa me. Ke leka gore ke se ka ka ikakanyetsa ke le esi fela. Go na le moo, ke dira gore dilo tse a di tlhokang di tle pele ga tse nna ke di tlhokang.”
George yo o nnang kwa United States o na le dingwaga di le 59 a nyetse. A re: “Ke leka go tshwara mosadi wa me jaaka molekane yo o botlhale yo o nang le bokgoni, e seng jaaka motho wa maemo a a kwa tlase.”—Diane 31:10.
5
BOTHATA:
“Monna wa me ga a etelele pele.”
MOLAOMOTHEO WA BAEBELE:
“Mosadi yo o botlhale tota o agile ntlo ya gagwe, mme yo o seeleele o e rutlolola ka diatla tsa gagwe.”—DIANE 14:1.
Fa monna wa gago a goga dinao fa a tshwanetse go dira ditshwetso kgotsa go etelela pele dilo tsa mo lapeng, o ka tlhopha nngwe ya ditsela tseno tse tharo. (1) O ka nnela go mo tshwayatshwaya diphoso kgotsa (2) o ka tsaya maemo a gagwe a go nna tlhogo ya lelapa kgotsa (3) o ka mo akgolela ka bopeloephepa maiteko ape fela a a a dirang. Fa o ka tlhopha nngwe ya ditsela tsa ntlha tse pedi, o tla rutlolola ntlo ya gago ka diatla tsa gago. Fa o tlhopha tsela ya boraro o tla thusa go aga kgotsa go nonotsha lenyalo la gago.
Banna ba le bantsi ba tseela go tlotliwa kwa godimo go feta go ratiwa. Ka jalo, fa o dira gore monna wa gago a ikutlwe a tlotlega—o mmontsha gore maiteko a a a dirang a go etelela lelapa pele a lo solegela molemo e bile o a a anaanela—a ka tokafatsa tsela e a diragatsang seabe sa gagwe ka yone. Gone ke boammaaruri gore ka dinako tse dingwe ga o kitla o dumalana le monna wa gago ka dilo dingwe. Mme lo tshwanetse go tlotla ka dikgang tseno mmogo. (Diane 18:13) Le fa go ntse jalo, mafoko a o a dirisang le segalo sa gago sa lentswe di tla thusa go rutlolola kgotsa go aga lenyalo la lona. (Diane 21:9; 27:15) Fa o bua le monna wa gago ka tlotlo, o tla fitlhelela se o se batlang—o tla nna le monna yo o sa okaokeng go etelela pele.
Kafa bangwe ba ileng ba dirisa kgakololo eno ka teng: Michele yo o nnang kwa United States yo o nang le dingwaga di le 30 a nyetswe, a re: “E re ka Mmè a godisitse nna le bonnake ba basetsana a se na monna yo o mo thusang, e ne e le mosadi yo o ikemetseng e bile a tlwaetse go itirela ditshwetso. Gantsi ke dira dilo ka tsela e a neng a di dira ka yone. Ka jalo, ka metlha ke leka go bontsha boikobo ka tsela e e tshwanetseng. Ka sekai, ke ithutile go buisana pele le monna wa me go na le go dira ditshwetso ke le esi.”
Rachel yo o nnang kwa Australia, yo o nang le dingwaga di le 21 a nyalane le Mark, le ene o tlhotlheleditswe ke tsela e a godisitsweng ka yone. A re: “Mmè o ne a se ke a ikobela Rre. Go ne go tlwaelegile gore ba ngangisane e bile ba ne ba sa tlotlane. Mo dingwageng tsa ntlha tsa fa ke sena go nyalwa, ke ne ke dira dilo jaaka Mmè. Le fa go ntse jalo, fa dingwaga di ntse di ya, ke ne ka ithuta go dirisa kgakololo ya Baebele e e malebana le go bontsha tlotlo. Jaanong nna le Mark re itumetse mo lenyalong.”
6
BOTHATA:
“Ga ke tlhole ke kgona go itshokela mekgwa e e fedisang pelo ya molekane wa me.”
MOLAOMETHEO WA BAEBELE:
“Tswelelang lo itshokelana e bile lo itshwarelana lo gololesegile fa mongwe a na le lebaka la go ngongorega ka yo mongwe.”—BAKOLOSA 3:13.
Fa lo ne lo sa ntse lo ratana, o ka tswa o ne o tlhomile mogopolo mo dinonofong tse dintle fela tsa motho yono yo o neng a tla nna molekane wa gago wa lenyalo mo o neng o sa lemoge
makoa a gagwe. A o ka dira seo le gone jaanong? O ka tswa o na le mabaka a a utlwalang a gore o ngongorege ka molekane wa gago. Le fa go ntse jalo, ipotse jaana, ‘Ke batla go tlhoma mogopolo mo dinonofong dife tsa molekane wa me—tse di molemo kgotsa tse di bosula?’Jesu o ne a dirisa setshwantsho se se tshwanelang sentle se se bontshang gore re tshwanetse go tlodisa makoa a ba bangwe matlho. O ne a botsa jaana: “Ke ka ntlha yang fa o leba lotlhaka lo lo mo leitlhong la mokaulengwe wa gago, mme o sa akanyetse tlhomeso e e mo leitlhong la gago?” (Mathaio 7:3) Lotlhaka e ka nna letlhokwana la bojang. Mme tlhomeso yone ke logong lo logolo lo lo dirisiwang go tshegetsa marulelo a ntlo. O ne a gatelela eng? “Santlha ntsha tlhomeso e e mo leitlhong la gago, mme ke gone o tla bonang sentle kafa o ka ntshang ka gone lotlhaka mo leitlhong la mokaulengwe wa gago.”—Mathaio 7:5.
Jesu o ne a simolola setshwantsho seno ka tlhagiso e e masisi. O ne a re: “Tlogelang go atlhola gore lo tle lo se ka lwa atlholwa; gonne katlholo e lo atlholang ka yone, lo tla atlholwa ka yone.” (Mathaio 7:1, 2) Fa o batla gore Modimo a tlodise diphoso tsa gago matlho—tlhomeso e e mo leitlhong la gago—go ka nna molemo gore o tlodise makoa a molekane wa gago matlho.—Mathaio 6:14, 15.
Kafa bangwe ba ileng ba dirisa kgakololo eno ka teng: Jenny yo o nnang kwa Engelane yo o setseng a na le dingwaga di le robongwe a nyalane le Simon, a re: “Selo se gantsi se mphedisang pelo ka monna wa me ke mokgwa wa go sa rulaganye dilo go sa le gale, a bo a dira dilo ka motsotso wa bofelo. Seo se a gakgamatsa ka gonne fa re ne re sa ntse re ratana ke ne ke rata gore o kgona go dira dilo tse a sa di akanyetsang pele di bo di atlega. Le fa go ntse jalo, jaanong ke lemoga gore le nna ke na le makoa, a a jaaka go rata go laola. Nna le Simon re ithuta go tlodisa matlho makoa a a sa reng sepe a mongwe le mongwe wa rona.”
Curt yo o nyalaneng le Michele, yo o umakilweng pelenyana, a re: “Fa o tlhoma mogopolo mo makoeng a a fedisang pelo a molekane wa gago, a tla a lebega e kete a nna a etegela pele. Ke tlhophile go tlhoma mogopolo mo dinonofong tse di dirileng gore ke ratane le Michele kwa tshimologong.”
Tsela ya go Atlega
Dikai di le mmalwa tse re tlotlileng ka tsone di bontsha gore mathata a tla nna teng mo lenyalong mme a ka rarabololwa. Ke eng se se ka dirang gore lenyalo le atlege? Rata Modimo mme o iketleeletse go dirisa kgakololo e e mo Lefokong la gagwe e leng Baebele.
Alex le Itohan ba ba nnang kwa Nigeria ba ba nang le dingwaga di feta 20 ba nyalane, ba lemogile tsela eo e batho ba ka atlegisang lenyalo ka yone. Alex a re: “Ke lemogile gore mo e batlang e le mathata mangwe le mangwe a lenyalo a ka rarabololwa fa banyalani ba dirisa melaometheo ya Baebele.” Mosadi wa gagwe a re: “Ke lemogile botlhokwa jwa go rapela mmogo ka metlha le go dirisa kgakololo ya Baebele ya go ratana go tswa pelong le go se felelane pelo. Jaanong ga re tlhole re na le mathata a le mantsi jaaka fa re sena go nyalana.”
A o ka rata go itse mo go oketsegileng malebana le gore kgakololo e e molemo e e mo Lefokong la Modimo e ka thusa lelapa la gago jang? Fa go le jalo, kopa Basupi ba ga Jehofa gore ba tlotle le wena ka kgang eno mo go kgaolo 14 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? *
[Dintlha tse di kwa tlase]
^ ser. 10 Maina mangwe a fetotswe.
^ ser. 63 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.
[Setshwantsho mo go tsebe 4]
A re ipha nako ya go nna mmogo?
[Setshwantsho mo go tsebe 5]
A ke leka go aba go feta kafa ke lebeletseng go amogela ka teng?
[Setshwantsho mo go tsebe 6]
A ke tsaya kgato go rarabolola dikgotlhang?
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
A ke batla go itse gore mosadi wa me o ikutlwa jang pele ke dira tshwetso?
[Setshwantsho mo go tsebe 9]
A ke tlhoma mogopolo mo dinonofong tse di molemo tsa molekane wa me?