Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Mang Yo o Ka Phuthololang Boporofeti?

Ke Mang Yo o Ka Phuthololang Boporofeti?

Ke Mang Yo o Ka Phuthololang Boporofeti?

Mo motlheng wa ga Alexander yo Mogolo, lefuto la kwa Gordium le ne le tsewa e le malepa a a raraaneng go a feta otlhe. Motho yo o neng a ka kgona go bofolola lefuto leo, o ne a tla bo a le botlhale e bile a ka kgona go fenya dinaga di le dintsi. * Go ya ka ditlhamane, Alexander o ne a bofolola lefuto leo ka go le kgaola ka tšhaka.

FA DINGWAGA di ntse di ya, banna ba ba botlhale ga ba a ka ba bofolola mafuto a a raraaneng fela mme gape ba ne ba leka go rarabolola dithamalakane, go phutholola boporofeti tota le go bolelela isagwe pele.

Le fa go ntse jalo, gantsi ba ne ba sa kgone go dira dilo tseo. Ka sekai, banna ba ba botlhale ba kwa Babelona ba ne ba palelwa ke go phutholola mokwalo wa seatla o o neng wa bonala ka kgakgamatso fela mo loboteng lwa ntlo ya segosi ya ga Kgosi Beleshasare ka nako ya fa go ne go na le moletlo o o leratla. Daniele—moporofeti yo o neng a tsofetse wa ga Jehofa Modimo, yo o neng a itsiwe ka “go lepolola malepa”—ke ene fela yo o neng a kgona go phutholola molaetsa oo wa boporofeti. (Daniele 5:12) Boporofeti joo, jo bo neng bo bolelela pele go senngwa ga Mmusomogolo wa Babelona, bo ne jwa diragadiwa mo go jone bosigo joo!—Daniele 5:1, 4-8, 25-30.

Boporofeti ke Eng?

Boporofeti bo tlhalosiwa e le isagwe e e senotsweng, ditiragalo tse go kwadilweng ka tsone pele di direga. Boporofeti jwa boammaaruri ke molaetsa o o tlhotlheleditsweng, e ka ne o kwadilwe kgotsa o builwe, tshenolo ya thato ya Modimo le maikaelelo a gagwe. Mo Baebeleng go na le boporofeti jo bo buang ka go tla ga ga Mesia le gore Mesia ke mang le ka “bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo” e bile go na le melaetsa ya katlholo e e tswang kwa Modimong.—Mathaio 24:3; Daniele 9:25.

“Banna ba ba botlhale” ba motlha wa gompieno—baitsesaense, ba tsa ikonomi, ba tsa botsogo, boradipolotiki, ba tsa tikologo le baitse ba bangwe ba bantsi—ba leka go bolelela isagwe pele. Le fa bontsi jwa dipolelelopele tseo di anamisiwa thata ke metswedi ya dikgang—e bile batho ba di dumela—tota e a bo e le go fopholetsa ga batho ba ba nang le kitso nngwe e bile e le maikutlo a bone fela. Mo godimo ga moo, maikutlo mangwe le mangwe a motho a ka a ntshang, ka metlha ga a dumalane le a batho ba bangwe ba bantsi kgotsa a ganetsana le one. Go ka nna kotsi gore motho a leke go bolelela isagwe pele ka gonne ga a ka ke a tlhomamisega ka se se tla diregang mo isagweng.

Motswedi wa Boporofeti Jwa Boammaaruri

Ka jalo, boporofeti jwa boammaaruri bo tswa kae mme ke mang yo o ka kgonang go bo phutholola? Moaposetoloi Petere o ne a kwala jaana: “Ga go boporofeti bope jwa Lokwalo jo bo tswang mo phuthololong epe ya motho ka boene.” (2 Petere 1:20) Lefoko la Segerika le le ranotsweng go twe ‘phuthololo’ le kaya “tharabololo kgotsa tshenolo,” ka kgopolo ya gore “se se gololwang kgotsa se se bofololwang se ne se bofilwe.” Ka jalo, thanolo ya The Amplified New Testament e baya mafoko a ga Petere jaana: “Ga go boporofeti bope jwa Dikwalo jo bo ka bofololwang ke motho ope.”

Akanya ka motho yo o nang le bokgoni jwa go bofa mafuto a bofa lefuto le le raraaneng ka kgole. Fa a setse a le bofile, motho yo o sa itseng sepe ka go bofolola mafuto a ka bona kafa dikgole di bofaganeng ka teng mo lefutong leo mme a sa itse gore a ka le bofolola jang. Ka tsela e e tshwanang, batho ba ka bona dilo tse di bontshang gore isagwe e tla bo e na le mathata mme ga ba tlhomamisege gore tota e tla nna jang.

Baporofeti ba ba tlhotlheleditsweng ba bogologolo ba ba jaaka Daniele, ba ne ba sa sekaseke ditiragalo tsa motlha wa bone ba bo ba leka go phutholola isagwe e e raraaneng ka go porofeta. Fa ba ne ba ka leka go bolelela isagwe pele ba bo ba laola ditiragalo gore di direge jaaka ba di boleletse pele, seo e ne e tla bo e le boporofeti jo ba bo ikakanyeditseng. E ne e tla bo e le polelelopele ya motho, e e tswang mo mogopolong o o sa itekanelang. Mo boemong jwa moo, Petere o ne a tlhalosa jaana: “Ga go ka nako epe boporofeti bo neng jwa tlisiwa ka thato ya motho, mme batho ba ne ba bua se se tswang kwa Modimong e re ka ba ne ba tlhotlhelediwa ke moya o o boitshepo.”—2 Petere 1:21.

‘Diphuthololo ke Tsa Modimo’

Dingwaga di ka nna 3 700 tse di fetileng, banna ba babedi ba ne ba tswaletswe mo kgolegelong kwa Egepeto. Mongwe le mongwe wa bone o ne a lora toro e e sa tlwaelegang. E re ka ba ne ba ka se kgone go bona banna ba ba botlhale ba naga eo, ba ne ba bolelela Josefa yo le ene a neng a le mo kgolegelong ka kgang ya bone e e raraaneng, ba re: “Re lorile toro, mme ga re na mophutholodi.” Motlhanka yoo wa Modimo o ne a ba kgothaletsa gore ba mmolelele ditoro tsa bone, a ba raya a re: “A diphuthololo ga se tsa Modimo?” (Genesise 40:8) Jehofa Modimo ke ene fela a kgonang go phutholola boporofeti, fela jaaka setswerere sa go bofa mafuto se kgona go bofolola mafuto a a raraaneng. Aitsane, Modimo ke ene a dirileng boporofeti kgotsa a bo bofileng. Ka jalo, go a utlwala go bo re tshwanetse go leba kwa go ene fa re batla tlhaloso ya jone. Ee, Josefa o ne a opile kgomo lonaka fa a ne a re diphuthololo ke tsa Modimo.

Mme ‘diphuthololo ke tsa Modimo’ ka tsela efe? Ke tsa Modimo ka ditsela di le mmalwa. Dipolelelopele dingwe tsa Baebele di kwadilwe mmogo le tlhaloso ya kafa di diragaditsweng ka teng. Ka jalo, boporofeti jo bo ntseng jalo bo ka phuthololwa motlhofo, fela jaaka mafuto mangwe a setswerere sa go bofa mafuto se tlhalosang gore a ka bofololwa jang.—Genesise 18:14; 21:2.

Boporofeti jo bongwe bo ka tlhalosiwa le go phuthololwa ka go sekaseka dintlha tse di dikologileng kgang. Moporofeti Daniele o ne a bona ponatshegelo ya boporofeti ya ‘phelefu e e nang le dinaka tse pedi’ e tlhabiwa ke “phoko e e maudi” e e neng e na le “lonaka lo lo tlhomologileng fa gare ga matlho a yone.” Dintlha tse di dikologileng kgang di bontsha gore phelefu ya dinaka tse pedi e ne e emela “dikgosi tsa Media le Peresia” mme phoko e emela “kgosi ya Gerika.” (Daniele 8:3-8, 20-22) Dingwaga di feta 200 moragonyana, “lonaka lo logolo” e bong Alexander yo Mogolo o ne a simolola go gapa Peresia. Rahisitori mongwe wa Mojuda e bong Josephus o ne a re fa masole a ga Alexander a ne a dule letsholo gaufi le Jerusalema, Alexander o ne a bontshiwa boporofeti jono mme a dumela gore bo ne bo bua ka ene.

‘Diphuthololo ke tsa Modimo’ ka tsela e nngwe gape. E re ka motlhanka yo o ikanyegang wa ga Jehofa Modimo e bong Josefa a ne a kaelwa ke moya o o boitshepo, o ne a kgona go tlhaloganya bokao jwa ditoro tse di raraaneng tse a neng a di bolelelwa ke magolegwa ka ene. (Genesise 41:38) Fa batlhanka ba Modimo ba motlha wa gompieno ba sa tlhomamisege ka bokao jwa boporofeti bongwe, ba rapelela moya wa Modimo ba bo ba ithuta le go dira dipatlisiso ka tlhagafalo mo Lefokong la Modimo le le tlhotlheleditsweng ka moya. Modimo o ba kaela gore ba kgone go bona ditemana tse di tlhalosang bokao jwa boporofeti bongwe. Phuthololo ga e tle ka kgakgamatso ka batho bape fela. E tswa kwa Modimong ka gonne o dira gore e tlhaloganngwe a dirisa moya wa gagwe le Lefoko la gagwe. Phuthololo e tswa mo Baebeleng e seng mo bathong bape fela ba ba bolelelang isagwe pele.—Ditiro 15:12-21.

Gape ‘diphuthololo ke tsa Modimo’ ka gonne ke ene a itseng le go kaela gore boporofeti bo tla tlhaloganngwa leng ke batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang ba ba mo lefatsheng. Bokao jwa boporofeti bo ka lemogiwa pele bo diragadiwa, fa bo ntse bo diragadiwa kgotsa morago ga moo. E re ka Modimo e le ene a tlileng ka boporofeti, o tla bo phutholola ka nako e e tshwanetseng—ka nako ya gagwe.

Mo pegong ya ga Josefa le magolegwa a mabedi, Josefa o ne a phutholola ditoro malatsi a le mararo pele di diragadiwa. (Genesise 40:13, 19) Moragonyana fa Josefa a ne a tlisiwa fa pele ga mmusi yo mogolo e bong Faro gore a tle go tlhalosa ditoro tsa ga Faro, dingwaga tse supa tsa letlotlo di ne di tloga di simolola. Ka thuso ya moya o o boitshepo wa Modimo, Josefa o ne a kgona go tlhalosa bokao jwa ditoro tsa ga Faro gore go dirwe dithulaganyo tsa go boloka letlotlo la dijo le go neng go boleletswe pele ka lone.—Genesise 41:29, 39, 40.

Batlhanka ba Modimo ba ka tlhaloganya boporofeti jo bongwe ka botlalo fa bo setse bo diragaditswe. Dilo di le dintsi tse di diregileng mo botshelong jwa ga Jesu di ne di boleletswe pele makgolokgolo a dingwaga pele a tsholwa, mme barutwa ba gagwe ba ne ba tlhaloganya boporofeti jono ka botlalo fa a sena go tsosiwa mo baswing. (Pesalema 22:18; 34:20; Johane 19:24, 36) Sa bofelo, go ya ka Daniele 12:4, boporofeti bongwe bo ne bo tla ‘kanelwa’ “go fitlha motlha wa bokhutlo,” nako e ka yone Daniele a neng a re “kitso ya boammaaruri e tla nna ntsi.” Re tshela mo nakong e boporofeti joo bo diragadiwang ka yone. *

Kafa Boporofeti Jwa Baebele bo go Amang ka Teng

Josefa le Daniele ba ne ba ema fa pele ga dikgosi tsa motlha wa bone mme ba di bolelela melaetsa ya boporofeti e e neng e ama ditšhaba le magosi. Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba ema fa pele ga batho ba motlha wa bone e le babueledi ba ga Jehofa, Modimo wa boporofeti, mme ba dira gore batho ba ba neng ba amogela melaetsa ya bone ba solegelwe molemo thata.

Gompieno Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe ba bolela molaetsa wa boporofeti—dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo—e bile ba bolelela batho gore boporofeti jwa ga Jesu malebana le “bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo” bo a diragadiwa. (Mathaio 24:3, 14) A o itse gore boporofeti joo jwa reng le gore bo tla go ama jang? Basupi ba ga Jehofa ba ka itumelela go go thusa gore o tlhaloganye o bo o solegelwe molemo ke bongwe jwa boporofeti jo bogolo go gaisa jotlhe jo bo mo Baebeleng.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 2 Ditlhamane tsa kwa Gerika tsa re kwa Gordium, motsemogolo wa Phrygia, kara ya mothei wa motse oo e bong Gordius, e ne e bofeletswe mo koteng ka lefuto le le raraaneng, le le neng le ka bofololwa fela ke motho yo o neng a tla fenya Asia mo isagweng.

^ ser. 19 Bona motseletsele wa ditlhogo tse di mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa May 1, 2011, wa setlhogo se se reng “Dipolelelopele Tse Thataro Tsa Baebele Tse o di Bonang di Diragadiwa.”

[Ditshwantsho mo go tsebe 12, 13]

Fa Josefa le Daniele ba ne ba tlhalosa boporofeti, ba ne ba re ba thusiwa ke Modimo