Baebele e Fetola Matshelo a Batho
Baebele e Fetola Matshelo a Batho
KE ENG se se neng sa tlhotlheletsa molemi wa motsoko gore a fetole e seng fela tiro ya gagwe mme le bodumedi jwa gagwe jo a neng a ineetse mo go jone? Ke eng se se neng sa thusa mosadi yo e neng e le lekgoba la bojalwa gore a fetole tsela e a neng a tshela ka yone? Bala se batho bano ba se buang.
“Ke Itumelela go Nna Karolo ya Lelapa Leno le Legolo.”—DINO ALI
NGWAGA O A TSHOTSWENG KA ONE: 1949
NAGA E A TSHOLETSWENG KWA GO YONE: AUSTRALIA
BOTSHELO JWA GAGWE JWA PELE: MOLEMI WA MOTSOKO
TSELA E KE NENG KE TSHELA KA YONE PELE: Batsadi ba me ba ne ba fuduga kwa Albania ka 1939 mme ba aga kwa Mareeba, torotswana e e kwa Queensland, Australia. Batho ba bangwe ba bantsi ba le bone ba neng ba tla go nna mo lefelong leno e ne e le Ba-Bosnia, Bagerika, Bantadiana le Ba-Serbia, mme ba ne ba tla ka ditumelo, dingwao le ditso tsa bone. Mareeba e ne e le lefelo le go neng go lemiwa motsoko mo go lone mme batsadi ba me ba ne ba simolola go o lema.
Go ise go ye kae, nkgonne wa mosetsana o ne a tsholwa, a bo a latelwa ke bonkgonne ba le babedi ba basimane, go bo go tla nna. Ka maswabi, fa ke na le ngwaga o le mongwe, Rre o ne a bolawa ke bolwetse jwa pelo. Mmè o ne a nyalwa gape mme a nna le bana ba bangwe ba basimane ba le banè. Rotlhe re ne ra golela mo polasing ya motsoko ya ga Rre wa bobedi.
Ke ne ka tswa kwa gae ke le mo dingwageng tsa bolesome. Fa ke ne ke simolola dingwaga tsa bo20, ke ne ka nyala mosadi wa me e bong Saime, kwa lefelong la kobamelo la Bamoseleme la kwa kgaolong e re neng re nna kwa go yone ka gonne bobedi jwa rona re ne re le Bamoseleme. Ba masika a me botlhe ba ne ba le mo bodumeding jwa Iselamo. Ke ne ka bala Koran le buka e e buang ka hisitori ya ga moporofeti Muhammad. Gape ka yone nako eo, ke ne ke bala Baebele e nnye. Koran e bua ka baporofeti ba ba umakwang mo Baebeleng mme go bala Baebele go ne ga nthusa go itse gore ba tshedile leng.
Basupi ba ga Jehofa ba ne ba etela kwa ga me mme ka metlha ba ne ba re naya dimakasine le dibuka tse nna le Saime re neng re itumelela go di bala. Ke gopola metlotlo e mentsi e e itumedisang e ke ileng ka nna le yone le Basupi ka dikgang tse di farologaneng tsa bodumedi. Nako le nako fa ba tlile, ba ne ba araba dipotso tsa me ba dirisa Baebele go na le go mpolelela se bone ba se akanyang. Seo se ne sa nkgatlha fela thata.
Basupi ba ne ba ithaopela go ithuta Baebele le nna ba bo ba ntaletsa kwa dipokanong tsa bone, mme ka metlha ke ne ke gana. Boikaelelo jwa me jo bogolo ka nako eo e ne e le go nna le polasi e e leng ya me le go nna le lelapa le legolo. Ga ke a ka ka kgona go nna le polasi, mme gone ke ne ka nna le bana ba batlhano ba ke ba ratang thata.
KAFA BAEBELE E FETOTSENG BOTSHELO JWA ME KA GONE: Dingwaga di le robongwe morago ga go kopana le Basupi ba ga Jehofa lekgetlho la ntlha, ke ne ke sa ntse ke tshwareletse mo go se ke se dumelang. Le fa go ntse jalo, ke ne ke itumelela go amogela le go bala dikgatiso tsotlhe tse ba neng ba di gatisa. Sontaga mongwe le mongwe, nna le Saime re ne re ipha nako ya go bala dikgatiso tseno. Re ne ra boloka dimakasine tsotlhe tse re neng re di amogetse fa dingwaga di ntse di feta. Di ne di na le tshedimosetso e e neng ya nnonotsha fa batho ba bangwe ba ne ba simolola go leka tumelo ya me e ntšha.
Ka sekai, ke ne ka kopana le moreri mongwe wa kereke ya boefangele yo o neng a leka go ntlhotlheletsa gore ke amogele Jesu e le Mmoloki wa me. O ne a setse a kgonne go tlhotlheletsa kgaitsadie Saime le mongwe wa bonnake ka Rre wa bobedi gore ba mo latele. Go ise go ye kae, batho ba ke ba tlwaetseng ba madumedi a a farologaneng ba ne ba simolola go leka go ntlhotlheletsa gore ke nne leloko la madumedi a bone. Bangwe ba ne ba nnaya dikgatiso tse di neng di bua bosula ka Basupi ba ga Jehofa. Ke ne ka kopa batshwayadiphoso bano gore ba mpontshe go tswa mo Baebeleng mabaka a dithuto tse ba neng ba di ruta, mme ba ne ba retelelwa ke go araba dipotso tsa me.
Dikganetso tseno tsotlhe di ne tsa dira gore ke se ka ka okola fela fa godimo fa ke ithuta Baebele mme ke dire dipatlisiso tse di oketsegileng ke dirisa dikgatiso tsotlhe tse ke neng ke di tsere mo Basuping. Kgabagare ke ne ka lemoga gore eno e ne e le nako ya gore ke tseye kgato ka se ke se ithutileng.
Go ne go se na ope wa Basupi yo o neng a ithuta Baebele le nna; ke ne ka simolola go ya fela kwa dipokanong tsa bone. Kwa tshimologong ke ne ke tshogile tota e bile ke le ditlhong mme ke ne ka kopana le batho ba bantsi ba ba botsalano kwa dipokanong tseo e bile ke ne ke ipelela se ke neng ke se ithuta. Ke ne ka swetsa ka gore ke tlile go nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, mme ka 1981 ke ne ka tshwantshetsa boineelo jwa me mo Modimong ka go kolobediwa.
Mosadi wa me ga a ka a nna kgatlhanong le tshwetso e ke neng ke e tsere le fa gone a ne a tle a belaele gore nka tswa ke tsieditswe. Le fa go ntse jalo, o ne a le teng fa ke kolobediwa. Ke ne ka tswelela ke mmolelela dithuto tse dintsi tsa boammaaruri tse ke neng ke di ithuta. Mo e ka nnang ngwaga morago ga gore ke kolobediwe, fa re ne re boela gae re tswa malatsing a boikhutso, Saime o ne a mpolelela gore o batla go nna Mosupi. Ke ne ka gakgamala fela thata! O ne a kolobediwa ka 1982.
Ga go a ka ga nna motlhofo go dira diphetogo tse re neng re tlhoka go di dira mo matshelong a rona. Ke ne ke tlogetse go lema motsoko ka gonne go kgatlhanong le melaometheo ya Baebele. (2 Bakorintha 7:1; Jakobe 2:8) Go re tsere lobaka gore re bone tiro e e tlhomameng, e e dumalanang le Dikwalo e bile e re tsenyetsa lotseno. Gape go ne ga feta dingwaga di le dintsi morago ga foo bangwe ba masika a rona ba sa batle go re etela. Re ne ra leka go dirisana le bone go ya ka melaometheo ya Baebele ka go ba bontsha lorato. Kgabagare, tsela e ba masika a a atamalaneng thata le rona ba neng ba re ganetsa ka yone e ne ya fokotsega mme ga ba tlhole ba re ila.
KAFA KE SOLEGETSWENG MOLEMO KA GONE: Go lebana le diteko tse di farologaneng, e ka tswa e le go fenya ditlhong, go itshokela ditlhobaelo tsa go tlhoka madi kgotsa go emelana le go ganediwa ke ba masika, go nthutile kafa Jehofa Modimo a leng pelotelele le nna ka gone fa a ntse a nthusa go fenya mathata a me. Ka sekai, gone jaanong ke mogolwane mo phuthegong mme ke tshwanelwa ke gore gangwe le gape ke rute batho ke le kwa seraleng. Seno e sa ntse e le kgwetlho mo go nna ka gonne ke lwa le bothata jwa go kwakwaetsa fa ke tshogile. Mme ka ntlha ya go rapela ka metlha le go thusiwa ke Jehofa, ke kgona go diragatsa tshiamelo eno.
Nna le mosadi wa me re atamalane go feta pele mme gone jaanong re dirisana sentle tota. Re ne ra dira diphoso fa re godisa bana ba rona mme re lekile sotlhe se re ka se kgonang go jalela kwa teng mo go bone boammaaruri jwa Baebele jo re bo ithutileng. (Duteronome 6:6-9) Tota e bile, morwaake yo mogolo le mosadi wa gagwe ke barongwa.
Ke gakologelwa tiragalo nngwe ya fa re ne re sa tswa go simolola go ya dipokanong tsa Basupi re le lelapa. Ke ne ka paka koloi mme ka leba boidiidi jo bo neng bo phuthegile mo teng ga holo. Ke ne ka botsa ba lelapa la me jaana: “Lo bona eng?” Mo teng ga holo go ne go na le batho ba ditso tse di farologaneng, ba ba tswang kwa mafelong a a farologaneng le ba dipuo tse di farologaneng—Ba-Aborigine, Ba-Albania, Ba-Australia, Ba-Croatia—le fa go ntse jalo ba ne ba kopane mmogo ba itumetse. Ke itumelela go nna karolo ya lelapa leno le legolo la bakaulengwe le bokgaitsadi ba semoya le le seng mo Australia fela mme le le mo lefatsheng lotlhe.—1 Petere 5:9.
“Nkgonne Ga a Ka a Ntlhoboga.”—YELENA VLADIMIROVNA SYOMINA
NGWAGA O A TSHOTSWENG KA ONE: 1952
NAGA E A TSHOLETSWENG KWA GO YONE: RUSSIA
BOTSHELO JWA GAGWE JWA PELE: E NE E LE LEKGOBA LA BOJALWA GAPE O NE A LEKA GO IPOLAYA
TSELA E KE NENG KE TSHELA KA YONE PELE: Ke tsholetswe kwa Krasnogorsk, torotswana e e itidimaletseng e e gaufi le Moscow. Ke goletse mo lelapeng la batsadi ba e neng e le barutabana. Ke ne ke le moithuti yo o botlhale e bile ke ne ka ithutela mmino. Go ne go bonala ke tlile go nna le isagwe e e molemo.
Fa ke nyalwa, nna le monna wa me re ne ra fudugela kwa lefelong le kwa go lone batho ba neng ba tlwaetse go dirisa puo ya matlhapa, go tagwa le go goga. Lefelo leo le ne la ntlhotlheletsa ka tsela e e sa siamang mme ka nako eo ke ne ke sa lemoge. Kwa tshimologong, ke ne ke ya diphathing, ke ela go opela le go letsa katara fela. Le fa go ntse jalo, fa ke le koo batho ba ne ba batla gore ke goge le go nwa le bone. Go ise go ye kae ke ne ka lemalela bojalwa.
Botshelo jwa me bo ne jwa simolola go tlhakatlhakana ka ntlha ya go lemalela bojalwa. Go ne ga feta lobakanyana pele ke fediwa ke bojalwa, mme fa bo setse bo mpheditse, ke ne ke sa kgone go ja sepe. Ke ne ke batla go swa, ka jalo ke ne ka leka go ipolaya mme ga ke a ka ka atlega. Ke leboga thata go bo ke ile ka se ka ka atlega.
Fa dilo tseno tsotlhe di ntse di direga, nkgonne o ne a nna a nketela ka metlha. E ne e setse e le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa mme o ne a leka go
ntlhalosetsa kafa Baebele e ka nthusang ka teng. Ke ne ke se na kgatlhego mo Baebeleng, ka jalo kwa tshimologong ke ne ka leka go dira gore a se ka a tlhola a nketela. Mme nkgonne ga a ka a ntlhoboga. O ne a mpontsha bopelotelele le lorato thata mo ke ileng ka feleletsa ke dumetse go ithuta Baebele.KAFA BAEBELE E FETOTSENG BOTSHELO JWA ME KA GONE: Fa ke sena go simolola go ithuta Baebele, ke ne ka ititaya sehuba gore ke tla tlogela go nwa bojalwa. Mo e ka nnang ka yone nako eo, moagelani mongwe yo o neng a tagilwe o ne a ntlhasela a ba a ntitaya. Ke ne ka felela ke le kwa bookelong ka dikgobalo tse di maswe. Ke ne ke robegile dikgopo di le nnè e bile ke gobetse leitlho le lengwe. Le fa go ntse jalo, nako e ke e ntseng kwa bookelong e ne ya nthusa go lebana le makoa a motho a nnang le one fa a tlogela bojalwa.
Ka nako eo, ke ne ka rapela ke sa kgaotse. Mafoko a Baebele a a neng a nkgomotsa thata ke a a mo go Dikhutsafalo 3:55, 56, a a reng: “Ke biditse leina la gago, tlhe Jehofa, ke le mo kgatamping e e kwa tlasetlase. O tshwanetse go utlwa lentswe la me. O se ka wa subela tsebe ya gago kgololo ya me le go goa ga me ke kopa thuso.”
Ke dumela gore ruri Jehofa o ile a araba dithapelo tsa me. O ne a nnaya maatla a gore ke se ka ka boela kwa ditseleng tsa me tsa pele. Ke ne ke a tle ke raelesege gore ke boele kwa bojalweng. Ke itumelela gore ga ke a ka ka ineela mo thaelong eo.
Fa ke ntse ke ithuta Baebele, ke ne ka lemoga gore ke tshwanetse go ema monna wa me nokeng fa a dira boikarabelo jwa gagwe e le tlhogo ya lelapa. (1 Petere 3:1, 2) Go ne go se motlhofo go dira jalo ka gonne ke ne ke tlwaetse go goga monna wa me ka nko. Ke ne ka rapela Jehofa gore a nthuse. Go ntsere lobaka gore ke fetoge, mme ka bonya ka bonya ke ne ka nna mosadi yo o botoka, yo o emang monna wa gagwe nokeng.
Fa monna wa me yo o rategang a bona diphetogo tseno, o ne a gakgamala thata. Go fitlha ka nako eo, o ne a sa kgatlhegele Baebele. Mme fa ke sena go dira tshwetso ya gore ke tlogele go goga, o ne a re: “Fa o ka tlogela go goga, ke tla simolola go ithuta Baebele!” Bobedi jwa rona re ne ra tlogela go goga ka letsatsi le le lengwe.
KAFA KE SOLEGETSWENG MOLEMO KA GONE: Monna wa me o ne a diragatsa tsholofetso ya gagwe mme a simolola go ithuta Baebele. Jaanong re bala Baebele mmogo letsatsi le letsatsi, re tlhatlhanya ka se re se balang le go leka go dirisa kgakololo eo mo matshelong a rona.
Ga ke kgone go tlhalosa ka botlalo kafa botshelo jwa rona jwa lelapa bo tokafetseng ka teng—tota le kafa nna ka bonna ke solegetsweng molemo ka teng. Ke leboga Jehofa go bo a ile a nkgogela kwa go ene. (Johane 6:44) Gape ke leboga nkgonne yo o neng a se ka a ntlhoboga. Ka ntlha ya seo, ke iponetse ka bonna gore ruri Baebele e fetola matshelo a batho.
[Mafoko a a mo go tsebe 11]
Ke ne ka lemoga gore eno e ne e le nako ya gore ke tseye kgato
[Mafoko a a mo go tsebe 13]
Nkgonne o ne a mpontsha bopelotelele le lorato thata mo ke ileng ka feleletsa ke dumetse go ithuta Baebele