Botshelo mo Metlheng ya Ditiragalo Tsa Baebele—Molemi
Botshelo mo Metlheng ya Ditiragalo Tsa Baebele—Molemi
“[Jesu] a raya barutwa ba gagwe a re: ‘Ee, thobo e kgolo, mme badiri ba babotlana. Jalo, kopang Mong wa thobo gore a romele badiri mo thobong ya gagwe.’” —MATHAIO 9:37, 38.
GANTSI Jesu o ne a dirisa mefuta ya temothuo le didirisiwa tsa go lema go tlhalosa dithuto tsa botlhokwa. (Mathaio 11:28-30; Mareko 4:3-9; Luke 13:6-9) Ka ntlha yang? Ka gonne o ne a nna mo setšhabeng sa batho ba ba neng ba lema. Bontsi jwa batho ba ba neng ba mo reetsa ba ne ba dirisa mekgwa ya go lema e e neng e sa bolo go dirisiwa ka makgolokgolo a dingwaga. Ba ne ba tlhaloganya se a neng a se bua se se neng se tsamaisana le ditiro tsa bone tsa letsatsi le letsatsi. O ne a itse gore ba ne ba tshela jang, mme se a neng a se ruta se ne sa dira gore ba tshwarwe ke kgakge.—Mathaio 7:28.
Re ka tlhaloganya botoka dipapiso tsa ga Jesu le dipego tse dingwe tsa Baebele fa re itse sengwe ka molemi wa mo lekgolong la ntlha la dingwaga—dijalo tse a neng a di jala, didirisiwa tse a neng a di dirisa le dikgwetlho tse a neng a lebana le tsone.
Bona molemi yono ka leitlho la mogopolo fa a ntse a dira tiro ya gagwe. Bala ditemana tse di umakilweng mme o bone gore o ka ithutang mo go tsone.
Nako ya go Jala
Molemi o sireletsa matlho a gagwe gore a se ka a fatlhiwa ke marang a letsatsi mme o ema mo kgorong ya gagwe a bo a hema moya o o bongola. Dipula di sa tswa go kolobetsa mmu o o phaphaladitsweng ke letsatsi. Jaanong ke nako ya go lema. O tsaya mogoma wa logong o o baya mo legetleng a bo a ya kwa tshimong ya gagwe.
Fa molemi a le koo o phutha dipholo tsa gagwe o di tsenya mo jokweng a bo a dira gore di simolole tiro. Meno a mogoma wa tshipi o o gogwang ke dipholo Luke 9:62) Ga a tshwanela go feta molelwane wa tshimo ya gagwe e bile o tshwanetse go dirisa setsha sa gagwe se sennye sentle.
a tlhagola mmu o o tletseng matlapa. Ga a pitikolole mmu mme a o fata go se kae fela go epa mosele o o seng boteng (1). Molemi o ntse a ya kafa mojeng le kafa molemeng a leka ka natla go dira gore mesele e tlhamalale—ga a nke a leba kwa morago ka gonne fa a ka dira jalo mogoma o ne o tla ya kwa le kwa. (Tshimo e jaanong e nang le mesele e siametse go jalwa. Molemi o tshwara kgetsana ya barele mo seatleng se sengwe mme ka se sengwe o gasa peo e e tlhwatlhwakgolo (2). Mo tshimong ya gagwe go na le ditselana tse go tsamaiwang mo go tsone tsa mmu o o thata, ka jalo o tlhomamisa gore peo e wela mo “mmung o o molemo.”—Luke 8:5, 8.
Morago ga go jala go latela tiro ya go thuba makwete a mmu. Molemi o bofelela dikalana tse di nang le mebitlwa mo dipholong tsa gagwe a bo a ralatsa dikala tseo mo tshimong ka go di goga. Segopa sa dinonyane se dira modumo o o kwa godimo se bo se kobonya peo e e iseng e khurumediwe ka mmu. Moragonyana molemi o dirisa kepu (3) go tlhagola mmu le go ntsha mefero gore e se ka ya hupetsa peo e e iseng e gole.—Mathaio 13:7.
Nako ya go Roba
Dikgwedi di a feta. Pula e a na. Jaanong ditlhogo tsa barele e e buduleng di akgaakgega mo letsatsing di dira gore masimo a lebege a le masweu.—Johane 4:35.
Nako ya thobo ke nako e ka yone molemi le ba lelapa la gagwe ba dirang ka natla. Morobi o tshwara dikala tsa dijo tsa ditlhaka ka seatla sa molema a bo a kgatikanya sekele ya tshipi ka seatla sa moja (4). Ba bangwe ba phutha dijo tsa ditlhaka ba bo ba di dira dingata (5), go tswa foo ba bo ba di pega mo ditonking kgotsa mo dikolotsaneng (6) tse di tla di isang kwa seboaneng sa kwa motseng.
Letsatsi le a phatsima e bile le ntse jaaka mosima o mosweu kwa loaping lo lo pududu lo lo apogileng. Ba lelapa ba ikhutsa go se kae ka fa tlase ga setlhare sa mofeige. Ba a tshega e bile ba a tlotla fa ba ntse ba ja dijo tse di motlhofo e leng senkgwe, dijo tsa ditlhaka tse di besitsweng, metlhware, difeige tse di omisitsweng le morara o o omisitsweng. Ba di digela ka metsi a a tswang mo metsweding.—Duteronome 8:7.
Mo masimong a a fa gaufi, batho ba ba ronopang ba phutha dijo tsa ditlhaka tse di setseng (7). Duteronome 24:19-21.
Bangwe ba bone ba humanegile e bile ga ba na setsha se e leng sa bone.—Moragonyana kwa seboaneng sa kwa motseng, molemi o gasamisa dingata mo boalong jo bo thata jo bo tsholetsegileng. Dipholo di dikologa mo godimo ga boalo di goga selei se se boima (8). (Duteronome 25:4) Maje le ditshitswana tse di bogale tse di gokeletsweng ka fa tlase ga selei di sega matlhaka.
Molemi o letela gore pheswana ya maitseboa e simolole go foka. (Ruthe 3:2) Ka lotlatlana, o tsenya foroko ya gagwe ya logong kgotsa “loselo” (9), ka fa tlase ga dingata tse di phothilweng a bo a di olosa mo moyeng. (Mathaio 3:12) Dijo tsa ditlhaka tse di bokete di wela mo boalong—moroko o o motlhofo o phepheulwa ke phefo. O nna a dira fela jalo ka foroko ya gagwe go fitlha a olosa dijo tsotlhe tsa ditlhaka.
Fa letsatsi le tlhaba, mosadi wa molemi le bomorwadie ba simolola go fefera (10). Ba kgotlhokgotsha disefo tse di tletseng dijo tsa ditlhaka le matlapana. Barele e wela mo dirotong mme matlakala one a latlhelwa kwa thoko. Go na le mabele a mantsi thata. Badiri ba boloka mabele a a salang mo dinkgong (11). A mangwe otlhe a tshelwa mo mesimeng ya bobolokelo.
A le mo seboaneng, molemi o a inamologa o otlolola mesifa e e gagametseng a bo a tsamayatsamaya mo masimong a mo motseng. O leba masimo a masetlha a a tletseng matlhaka a kgotsofetse—bosupi jwa gore go ne go dirwa ka natla. O leba badiri fa ba ntse ba dira mo tshimong ya mofine le ya motlhware le fa ba ntse ba tlhokometse ditlhare tsa digaranata le tsa mofeige. Fa gautshwane moagelani yo o ntseng a epa mo tshingwaneng ya gagwe o mo tsholeletsa seatla go mo dumedisa. Mmu o tla ntsha dikomokomore, matlhodi, dinawa, dilliki le dieie. Molemi o ema go se kae a bo a leba kwa legodimong a bo a rapela go tswa pelong a leboga Modimo ka dimpho tse di molemo tse a di abang.—Pesalema 65:9-11.
[Ditshwantsho mo go tsebe 28-30]
(Leba kgatiso)