Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 SETLHOGO SA KA FA NTLE | BOGOSI JWA MODIMO—A BO KA GO SOLEGELA MOLEMO?

Bogosi Jwa Modimo—Se bo Se Kayang mo go Jesu

Bogosi Jwa Modimo—Se bo Se Kayang mo go Jesu

Ka nako ya bodiredi jwa gagwe mo lefatsheng, Jesu o ne a bua ka dilo tse dintsi. Ka sekai, o ne a ruta balatedi ba gagwe gore ba ka rapela jang, ba ka itumedisa Modimo jang le gore ba ka bona boitumelo jwa mmatota jang. (Mathaio 6:5-13; Mareko 12:17; Luke 11:28) Le fa go ntse jalo, setlhogo se Jesu a neng a bua ka sone thata—setlhogo se a neng a se rata thata—e ne e le Bogosi jwa Modimo.—Luke 6:45.

Jaaka re bone mo setlhogong se se fetileng, selo sa konokono mo botshelong jwa ga Jesu e ne e le ‘go rera le go bolela dikgang tse di molemo tsa bogosi.’ (Luke 8:1) O ne a dira ka natla, a tsamaya dikilometara di le makgolo go ralala Iseraele gore a rute batho ka Bogosi jwa Modimo. Diefangele tse nnè tse di nang le pego ya bodiredi jwa ga Jesu di umaka Bogosi ka makgetlo a feta 100. Bontsi jwa makgetlo ano a mo go one go umakiwang Bogosi go ne go bua Jesu, mme gone ga go a kwalwa sengwe le sengwe se Jesu a neng a se bua ka Bogosi jwa Modimo!—Johane 21:25.

Goreng Bogosi e ne e le selo sa botlhokwa thata jaana mo go Jesu fa a ne a le mo lefatsheng? Lengwe la mabaka ke gore Jesu o ne a itse gore Modimo o mo tlhophile go nna Mmusi wa jone. (Isaia 9:6; Luke 22:28-30) Le fa go ntse jalo, ga se gore Jesu o ne a ipatlela taolo kgotsa kgalalelo. (Mathaio 11:29; Mareko 10:17, 18) O ne a sa itsise Bogosi ka ntlha ya mabaka a bopelotshetlha. Boammaaruri ke gore, Jesu o ne a kgatlhegela Bogosi jwa Modimo * e bile o sa ntse a bo kgatlhegela ka ntlha ya se bo tla se direlang batho ba a ba ratang—Rraagwe yo o kwa legodimong le balatedi ba gagwe ba ba ikanyegang.

SE BOGOSI BO TLA SE DIRELANG RRAAGWE JESU

Jesu o rata Rraagwe yo o kwa legodimong fela thata. (Diane 8:30; Johane 14:31) O rata dinonofo tse di molemo tsa ga Rraagwe, tse di jaaka lorato lwa Gagwe, bopelotlhomogi jwa Gagwe le tshiamiso ya Gagwe. (Duteronome 32:4; Isaia 49:15; 1 Johane 4:8) Ka jalo ga go pelaelo gore Jesu o tlhoile go utlwa maaka a a anamisiwang ka Rraagwe—maaka a a jaaka gore Modimo ga a amege fa batho ba boga le gore Modimo o batla gore batho ba boge. Leno ke lengwe la mabaka a go bo Jesu a ne a tlhagafaletse go rera “dikgang tse di molemo tsa bogosi”—o ne a itse gore go ise go ye kae Bogosi bo ne bo tla tlosa kgobo mo leineng la ga Rraagwe. (Mathaio 4:23; 6:9, 10) Bo tla dira seo jang?

Jehofa o tla dirisa Bogosi go tlisa diphetogo tse dikgolo tse di tla solegelang batho molemo. “O tla phimola dikeledi tsotlhe” mo matlhong a batho ba ba ikanyegang. Jehofa o tla tlosa dilo tse di bakang dikeledi tseo, a bo a tlhomamisa gore loso ga lo tlhole lo nna gone, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko.’ (Tshenolo 21:3, 4) Modimo o tla tlosa pogo yotlhe e batho ba lebanang le yone a dirisa Bogosi. *

 Ga go gakgamatse go bo Jesu a ne a tlhagafaletse go bolelela batho ka Bogosi! O ne a itse gore seo se ne se tla bontsha kafa Rraagwe a nang le maatla e bile a leng kutlwelobotlhoko ka gone. (Jakobe 5:11) Gape Jesu o ne a itse gore Bogosi bo ne bo tla solegela batho ba a ba ratang molemo—batho ba ba ikanyegang.

SE BOGOSI BO TLA SE DIRELANG BATHO BA BA IKANYEGANG

Jesu o ne a tshela le Rraagwe kwa legodimong lobaka lo loleele pele a tla mo lefatsheng. Rre o ne a dirisa Morwa go bopa dilo tsotlhe—magodimo a a jesang kgakge a a nang le dinaledi le masagaripa le polanete ya rona e ntle e e nang le diphologolo. (Bakolosa 1:15, 16) Le fa go ntse jalo, mo dilong tseno tsotlhe, Jesu o ne a “rata” batho thata.—Diane 8:31.

Bodiredi jwa ga Jesu bo ne bo bontsha gore o rata batho. Go tswa kwa tshimologong, o ne a bontsha gore o tlile mo lefatsheng go bolelela batho “dikgang tse di molemo.” (Luke 4:18) Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a sa bue fela ka go thusa batho. Nako le nako o ne a bontsha ka ditiro gore o rata batho. Ka sekai, fa boidiidi jwa batho bo ne bo kokoane go tla go mo reetsa fa a bua, Jesu o ne “a ba tlhomogela pelo, mme a alafa babobodi ba bone.” (Mathaio 14:14) Fa monna yo o lwalang thata a ne a dumela gore Jesu a ka mo fodisa fa tota a batla, Jesu o ne a tlhotlheletsega go mmontsha lorato. O ne a fodisa monna yono, mme ka bopelotlhomogi a mo raya a re: “Ke a batla. Phepafadiwa.” (Luke 5:12, 13) Fa Jesu a ne a bona tsala ya gagwe, Marea, a hutsafaletse loso lwa ga kgaitsadie e bong Lasaro, Jesu “a fegelwa mo moyeng,” “a tshwenyega” a bo “a tsholola dikeledi.” (Johane 11:32-36) Go tswa foo, o ne a dira kgakgamatso—Jesu a tsosa Lasaro le fa a ne a setse a na le malatsi a le manè a tlhokafetse!—Johane 11:38-44.

Boammaaruri ke gore, Jesu o ne a itse gore thuso e a ba nayang yone ka nako eo e ne e le ya nakwana. O ne a itse gore kgabagare, botlhe ba a ba fodisitseng ba ne ba tla lwala gape le gore ba a ba tsositseng ba ne ba tla swa gape. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a itse gore Bogosi jwa Modimo bo ne bo tla tlosa mathata ao go ya go ile. Leno ke lone lebaka la go bo Jesu a sa dira dikgakgamatso fela; gape o ne a rera “dikgang tse di molemo tsa bogosi” ka tlhagafalo. (Mathaio 9:35) Dikgakgamatso tsa gagwe e ne e le maoko fela a se Bogosi jwa Modimo bo tla se dirang mo lefatsheng lotlhe mo bogautshwaneng. Ela tlhoko se Baebele e solofetsang gore se tla direga mo nakong eo.

  •  Ga go tlhole go na le mathata a botsogo.

    “Ka nako eo matlho a difofu a tla bulwa, le ditsebe tsa bosusu di tla thibololwa. Ka nako eo setlhotsa se tla palama fela jaaka kgama e tonanyana, le loleme lwa yo o sa kgoneng go bua lo tla goa ka boitumelo.” Mo godimo ga moo, “ga go na monni ope yo o tla reng: ‘Ke a bobola.’”—Isaia 33:24; 35:5, 6.

  • Ga go tlhole go na le loso.

    “Basiami ba tla rua lefatshe, mme ba tla aga mo go lone ka bosakhutleng.”Pesalema 37:29.

    “O tla kometsa loso ka bosaengkae, mme Morena Molaodimogolo Jehofa o tla phimola dikeledi mo difatlhegong tsotlhe.”—Isaia 25:8.

  • Ba ba suleng ba tla tsoga.

    ‘Botlhe ba ba mo mabitleng a kgakologelo ba tla utlwa lentswe la gagwe mme ba tla tswa.’ —Johane 5:28, 29.

    “Go tlile go nna le tsogo.”—Ditiro 24:15.

  • Magae le ditiro di teng.

    “Ba tla aga matlo ba nne mo go one; ruri ba tla jala masimo a mofine ba je maungo a one. Ga ba kitla ba aga mme go nne o sele; ga ba kitla ba jala mme go je o sele. . . . Ba tla dirisa tiro ya diatla tsa bone ka botlalo.”—Isaia 65:21, 22.

  •  Ga go tlhole go na le ntwa.

    “O dira gore dintwa di kgaotse go ya kwa ntlheng ya lefatshe.”—Pesalema 46:9.

    “Setšhaba ga se kitla se tsholeletsa setšhaba se sengwe tšhaka, le gone ga ba kitla ba tlhola ba ithuta ntwa gape.”—Isaia 2:4.

  • Ga go tlhole go na le tlhaelo ya dijo.

    “Lefatshe ka bolone ruri le tla ntsha kungo ya lone; Modimo, Modimo wa rona, o tla re segofatsa.”—Pesalema 67:6.

    “Go tla nna le dijo tsa ditlhaka di le dintsi mo lefatsheng; go tla penologa mo godimo ga dithaba.”—Pesalema 72:16.

  • Ga go tlhole go na le khumanego.

    “Mohumanegi ga a na go lebalelwa ruri.”—Pesalema 9:18.

    “O tla golola mohumanegi yo o goang a kopa thuso, le yo o bogisiwang le ope fela yo o se nang mothusi. O tla utlwela motho wa maemo a a kwa tlase le yo o humanegileng botlhoko, mme meya ya ba ba humanegileng o tla e boloka.” —Pesalema 72:12, 13.

Fa o akanya ka ditsholofetso tseo tsa Bogosi jwa Modimo, a o lemoga lebaka la go bo Bogosi bo le botlhokwa thata jaana mo go Jesu? Fa a ne a le mo lefatsheng, o ne a tlhagafaletse go bolelela mongwe le mongwe yo o neng a ka reetsa ka Bogosi jwa Modimo ka gonne a itse gore Bogosi bo tla fedisa mathata otlhe a a ngomolang pelo a re lebanang le one gompieno.

A o kgatlhegela ditsholofetso tsa Bogosi tse di mo Baebeleng? Fa go le jalo, o ka ithuta jang mo go oketsegileng ka Bogosi joo? Mme o ka dirang gore o bone masego a jone? Setlhogo sa bofelo mo motseletseleng ono se tla araba dipotso tseo.

^ ser. 5 Setlhogo seno se tlhalosa kafa Jesu a ikutlwang ka teng gone jaanong ka gonne o a tshela kwa legodimong, mme ga go pelaelo gore le fa a le kwa legodimong o sa ntse a rata Bogosi.—Luke 24:51.

^ ser. 8 Fa o batla tshedimosetso malebana le gore ke eng fa Modimo a letleletse pogo ka lobakanyana, bona kgaolo 11 mo bukeng ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.